Tshepo Tshepo

Beschreibung des Verlags

Tshepo o iphitlhela a le mo khumanegong e kgolo. Ke ngwana yo o tsebe mme o rata sekolo thata. Morago ga sekolo o rekisa ditamati go thibela lehuma. Go dira ka natla ga gagwe go gogela kgatlhego go tswa go Kgotlho yo o tumileng ka go dira tseo di seng mo molaong. Kgotlho o reka ditamati tsotlhe tsa ga Tshepo. Seno se tlisa boitumelo bo bogolo mo go ene. Nkgolo o gakgamala go bona Tshepo a goroga gae ka bonako. O belaela fa go le sengwe se Tshepo a mo fitlhelang sona. O tswelela ka go gakolola Tshepo ka ga tsa botshelo.

Mmahelele ke moagisanyi wa ga Nkgolo. O ntsha mosi ka sekhurumelo mabapi le se Tshepo a se dirileng go rekisa ditamati ka bonako. O tlhotlhoeletsa Ngolo go ka ralatsa Tshepo ka thupa. Nkgolo o ikgatolosa dikeletso tsa ga Mmahelele.

Kgotlho o kaela Jabu le Themba ka maikaelelo a gagwe ka ga Tshepo. Jabu le Themba ke baithuti le Tshepo kwa sekolong se segolwana. Ba solofetsa Kgotlho go mo neela Tshepo. Kwa sekolong Tshepo o leka go ka itsalanya le bona ka gonne ba phela ba kgabile le go ja diamaleng tse di tlhwatlhwa-kgolo. Fa Tshepo a ba atamela, Themba o itira yo o sa batleng gore Tshepo a nne le bona ka gonne a gana go dira le bona.

Jabu le Themba ba dira leano la go gogela Tshepo. Ba rulaganya loeto la mafelo a beke la maaka, mme ba supetsa Tshepo setshwantsho sa kgale fa ba ne ba na le Lesego. Lesego ke moithuti-nabo yo o leng gaufi le maikutlo a ga Tshepo thata. Tshepo o tlelwa ke keletso thata fa a bona Lerato mo ditshwantshong. O solofetsa Jabu le Themba fat la tsamaya le bona mo nakong e e tlang. Ba mo gogela ka go rekela diaparo tse dintshwa. Tshepo o iphitlhela a le motlotlo thata fa bana ba bangwe le morutabana ba mo akgola ka diaparo tse a di apereng. Seno se tlisa lefufa le legolo mo go Jabu ke Themba ntswa e le bona ba rekileng diaparo tseo. Ba laletsa Tshepo go iketla le bona morago ga sekolo. Tshepo o a dumela mme o iphitlela a nnetse go iphantsha ka ntshe. O mo maibing e bile o ja leoto. O itumetse thata mo a lebalang go ya gae.

Mo letsatsing le le latelang, Tshepo o goroga le penne letsatsi a farafarilwe ke Jabu le Themba. O palelwa ke go ema ka maoto a gagwe a mabedi. Nkgolo o gakgametse thata. O swabile nko go feta molomo. Fa Tshepo a rarabologelwa, Nkgolo o mo ema ka lefoko. Tshepo o supa maikotlhao, o solofetsa Nkgolo fa a tla tsamaya mo tseleng e e siameng.

Fa Tshepo a bona Jabu le Themba, o ba fa lefoko gore ene ga a sa tlhole a na le kgatlhego ya go nna tsala ya bona. Jabu le Themba ba mo tlhaba botlhale gore diaparo tseo a neng a di apere di rekilwe ke Kgotlho, mme o tla go utlwa botlhoko thata fa a ka lemoga maikalelo a ga Tshepo. Tshepo o tsenwa ke serame fa utlwa gore o reketswe ke Kgotlho diaparo. O dumela go dirisana le Jabu le Themba.

Jabu le Themba ba gweba ka diritibatsi, mme ga ba eletse fa Tshepo a ka itse ka bonako. Ba mo simolola ka tiro ya go thuba matlo. Tshepo o tshogile thata fa a simolola tiro ya go thuba. Letshogo la gagwe le fetoga ka bonako fa a bona tuelo ya gagwe. O bona madi a le mantsi tota mme ga a sa tlhole a batla go rekisa ditamati. Nkgolo o rothisa pelo madi fa a lemoga maikaelelo a motlogolo wa gagwe. Fa a ntse a phepafatsa phaposi ya ga Tshepo, o bona madi a mantsi thata. Tshepo o a setlhefala fa a bona bosupi a ba a le supa ka monwana.

Kwa sekolong, Tshepo o bona Themba a tshotse tlhobolo. O eletsa go nna le yona. Thdemba o mo kaela fa a tshwanelwa ke go bona katiso pele. Fa Themba a leka go mo supetsa gore se dira jang, o thunya Tshepo ka phoso. Tshepo o potlakisetswa kwa kokekelong. Fa a le mo diphateng tse di bolelo, o jelwa nala ke Lesego. O mo lemosa fa Jabu le Themba ba mo tsieditseng ka teng. O ikana gore ga sa tlhole a batla go dirisana le bona.

GENRE
Kultur und Unterhaltung
ERSCHIENEN
2019
9. August
SPRACHE
TN
Tswana-Sprache
UMFANG
97
Seiten
VERLAG
Charles Mabote
GRÖSSE
243.3
 kB