Marapo a Tlhogo
-
- 6,49 €
-
- 6,49 €
Publisher Description
Poko ke Monate wa puo o o rotloetsang go ja Marapo a tlhogo, o rata o sa rate. E go ruta magokonyane a botshelo, le maranyane a monate wa puo ya Motswana. Ka dinao tse dingwe o ka itlhoma o itse puo, mme go nna mo dinaong tsa mabutswapele ba go tlhaba matlhajana ka poko le morethetho wa Setswana, o ka lemoga fa o sa tswala. Ke ka moo ke reng nna o utlwelele dikeletso, dikakanyo le kgalemo e e tswang mo pokong, e e tswang mo pokong, e tokafatsa 'tshelo jwa gago. Kgotsa o ka tsaya malebela.
Maboko a, a bua ka dilo tsa botshelo le maemo a a farologaneng a botshelo. Ga o ne o ikwatlhaela go a buisa. O se ka wa buisa buka e o le mo lepotlapotleng. Lepotlapotla le ja pudi. Repa mme o bulege matlho le tlhaloganyo!